top of page
Search

TIKOLOGO YA TSWELELANG

  • Writer: kagisosejamoholo
    kagisosejamoholo
  • Jan 26, 2022
  • 2 min read

Kgosi thuhubulolo o olela matlakala, e fela eseng mo tikologong ya tswelelang.Go selelo se se tlhabang pelo ka lerumo ga baagi balela e fela ga go utlwang le yo bonang dikeledi tsa baagi.Jaana kana go tlhokego e kgolo ya lerothi la a pula , memetso e omile go feta lekgong la mookana.



Kgesti ya puo ya tlala ebe e tshologa ga o ka bua ka makau le makgabe ba ba nang le bokgoni ba go opela , go kwala le go tshameka kgwele ya dinao.Kana re na le di naledi tsa go benya e fela di be di timiwa ke bogagru ,re busiwa ke batho ba go tlhoka kutloelobotlhoko.


Tlala e tsentse lebogo ebile setse e itsiwe le ka leina.Bosinyi bo ga botla jaana botla e le kgale bo letilwe ke fela re imakatsa re ntse re itsi gore bosinyi botlisiwa ke tlala re e bona.Tlhokego ya ditiro ke e kwa godimo ka ntlha ya gore ditiro tse di tsamaya ka losika le botsalano.


Ga ya mpatlhalatsane e fetsa go tikela mo mosong, o kopana le ba marapo a potlana baja diribatsi seka tsone difitlholo.Go bona gore se ke mararang le ka sethoboloko tsatsi le le mogodimo ba tsenelela diritibatsi e le go leka go siya tikologo e tsenyang kgatelelo ya monagano.Ga ya kopa dilalelo e tsena lephirima ntse ba le mo diritibatsing go thata go tshela mo tikologong e go fetolang seganana.


Ke tlhokego ya sengwe le sengwe e aperetseng motse wa tswelelang.Motho o tlabe a botse gore goreng re re ke motse wa Tswelelang ga e tota go gatelwa ko morago , le ga ke tla go tlhaba ka dipotso go ka sethuse ka kgala yone e tlhaba motse o e sa botse.


Go reriwa go dirilwa motse wa rona tse dintle ga ngwaga e tshimolola ,e fela se ke sefela sa ngwaga le ngwaga.E tla re ga ngwaga o fela go be go lolea fela jaaka gontse ga jana.Tikologo e bodileng e bodisa le ditapole tse dinang le maikaelelo magolo.


Mokwadi: Kagiso sejamoholo

 
 
 

Comments


Subscribe Form

Thanks for submitting!

0810 0144225

  • Facebook
  • Twitter
  • LinkedIn

©2022 by Wolmaransstad News Paper. Proudly created with Wix.com

bottom of page