Loeto la Wolmaransstad Bookclub go Mamusa Bookclub
- kagisosejamoholo
- Sep 6, 2023
- 3 min read
Loeto la Wolmaransstad Bookclub go Mamusa Bookclub
Ka botlhogoputswa batle bare kitso kgolo e kutulwa dibukeng, e tota se seiponetswe ke Wolmaransstad Bookclub ka letlha la 5 Lwetse 2023 ga e etetse Mamusa Bookclub ko Schweizer Reneke.
Babadi ba kgatlantsitswe ke tshobotsi e bonalang ya Schweizer lekgarebe le le bonolo ebile le sena sephetephete. Go tsena fela godimo ba bonisetswa ke letsatsi le le kbibidu seka ngwedi leka selekano.

Lefelo la dibuka la ko toropong ya Schweizer le komeditse sejanaga se se tsweu se babuise baneng ba se nametse ba namile maoto ka e ne ese bontsi mannong. Felo' le la dilo tse dinnye di le mekwalokwalo lene lena le terena kontle e tshasitswe ka mebala e kgatliesang, go bonala ga ene e kgabisitse ebile e jaletswe le malomo mo nkong.
Goja mokagarana ga baratadibuka ba ba tswang motseng wa Tswelelang mokaragana o tswa ka dinko le ditsebe, ga pelo di putsaputsa nakaladi ebile go le phefo ya lefelo le la batho ese balegae. Maoto go tsamaya ntse a ethimula mmu, ga matlho a ijesa diwelang ka tse di welang monate pelong.

Bonno bo ba dibuka ga ba nniwa sebaka bo bokgwa sejanaga se se tsweu se babuisi ba Tswelelang baneng ba se pagame jaaka di phage, mme jaanong bane ba se bangwe bane bana le mosupatsela ebong mongwe wa matona a babuise ba Mamusa.

Ka setswana sare se se safeleng sa tlhola, tsela ya goya motseng ga yanna leele re be tsena ko lefolong la dibuka tsa motse. Ene e le lefelo le le lebegang bana ba ba potlana ba ntse ka bontsi ba tshwere matlare a masweu go bonala ga ba le mo ntweng ba lwanela bokamoso le katlego.

Go tsena ya nna ditumediso le go ikitsise, re bone bontle ba batsha ba atleile dikgatlho tsa kitso ka mabogo. E tota leeto legolo ene e le go ijela ka leitlho gore babuise ba tsamaisa mananeo a bone Jang, re opile diatla re be re ope diatla ka go bona diro e tswileng diatla ya Mamusa.

Kana Tswelelang ena le ba dira mmino le ba boki rene ra ba bokela gauta le selefera ba bona gore tota fa baeka ba humile ka go tshamikisa mafoko. Ga re dula fatshe ba re bontsha Khumo ya bone ya go buisa dibuka, go peleta mafoko le go ngagisana. Ganna fela jaala Khumo ya bone yare agela phiselego, mme ra dumeletsana ka gore tsatsi lengwe batla re etela le bone.

Go boa tsela ene tshwere motlotlo magoletsa go bonala ga e tota ba buisi ba Wolmaransstad ba bodule e se diperekisi, maano ene e le go godisana kitso le go tsholetsa motse wa rona fela jaaka ba Mamusa ba dira. E tota kene ka bona gore tota batho ba bangwe ba kgona goja, go jelwe go fitlha ko go tlhogoputswa wa ditedu tse di tsweu ka mabota a gagwe a tshasitsweng ka bokhibidu.

Mongwe le mongwe one aya ko a isang marapo gobeng gona mme go bonala ga rotlhe re tsene ntle le dikgobalo. Rene ra itsise ba Mamusa ga re gorogile sentle ebile re itumeletse ka mokgwa o ba re tshwereng ka gona, ba re lebogela ga re bokile ebile re barutile tse ba sa diitsing. Le kamoso go kanna fela jaalo etla nna kgolo le tswelelopele mme Khumo e tla nna e sisibanyang mmele.
Mokwadi : kagiso sejamoholo
Comments