top of page
Search

O SEKE WA ITLHOBOGA

  • Writer: kagisosejamoholo
    kagisosejamoholo
  • Aug 28, 2023
  • 2 min read

O seke wa ba itlhoboga





Setswana sere 'mokuduo go tshoswa yo itekang' kana go bua nnete fela e senang bana ba phefo go kgotlhelela ga go le thata duelo ya teng ke e kgolo. Mo botshelong o ka se itsi gore kamoso go ka tsoga go diragetseng, letlhogonolo la gago le katswa le le gaufi. Kana modimo ga dira dilo o dira le dimakatso, re bone le batho ba kgale batho ba banyatsa ba tsoga e le batho ba banang le seriti.


Katlego ya direlwa ebile ga selo sa bonako fela. Batho ba bantsi ba batla katlego ya bone e tshwane jaaka ya batho botlhe e fela seo ga se nnete. Neo tsa rona ga ditshwane ka jaalo katlego ya rona e ka se tshwane ebile e ka setle ka nako e ngwane.

Boinelo ke engwe ya maugo a re tshwanetseng re aje ka mpa tso pedi, kana gore ditoro tsa rona di fetoge nnete re tshwanetse ra nna boinelo re tsamaye tsela e senang mokgabaganyo. Katlego e agilweng ka boinelo e dula goya goile ga e fele.


Ditoro tse re tshwanetseng re di lore e tshwanetse ya nna toro tse dikgolo go feta. Tikologo e re nnang mo go yona ga ya tshwanela go re thibela go lora, setswana sare " poo go bewa ya kgomo ya motho ya ipeya" wena ka bo wena o itira se o batlang go nna sona mo botshelong. Latela ditoro tsa gago le ga go kanna thata Jang o seke wa ba itlhoboga leseng tswe tswe.


Bala Poko e latelang :


O sa itlhoboga - Morago ga lefifi ke lesedi morago ga pula go le tsatsi, tshegetsa ka thata o sa itlhoboga ga thobo e fitlha o tla iteboga. Lora ditoro tse dikgolo go feta tsela e telele se fele pelo ka bonako, kotlubotlhoko e se go tsietse jaalo ga go nne botlhoko goya goile. Se se sa feleng sa tlhola tshimolola go aga pelo ya gago, nako ga e fele ga se sejo nako gaya go siya ema o leke gape. O tla fitlha ko yang gona le wena tsamaya tsela ya gago o sa tshabe, se tlhabiwe ke kgala ga o kgotswa kana kgomo e kgotswa e le maoto mane. Kamoso ga e tshwane le gompieno dilo tsotlhe ditlile go kopana ga o fitlha, o sa fitlha bokgoni ba gago jaana o botlhokwa thata go feta selekano. Lebala ka dipuo ke mafoko fela mafoko ga a dule a fela, ditoro tsa gago ditla dula di le gona ramasedi o tla go thusa tse o sa dikgoneng. Bula pelo go tsotlhe tse dintle goeletsa o bitse tsotlhe tse o di lakatsang, o tshimolotse kgakala o fa gompieno o sa itlhoboga pele tswelela go dira ka natla. - Mokwadi: Kagiso sejamoholo phutiagae Poko: o sa itlhoboga Letlha:27/02/2023






Mokwadi : kagiso sejamoholo

 
 
 

留言


Subscribe Form

Thanks for submitting!

0810 0144225

  • Facebook
  • Twitter
  • LinkedIn

©2022 by Wolmaransstad News Paper. Proudly created with Wix.com

bottom of page