PUSO YA GOMPIENO
- kagisosejamoholo
- Jan 27, 2022
- 3 min read
PUSO YA GOMPIENO
Bantsho lehuma le ba apere jaaka mosese wa mosadi wa mohutsana , ga go batho ba batlang go kgaba ka lehuma selo se ga se selo se seganyang gore re ka ikgantsa ka sona.E tota bantsho ba ne ba lebeletse mo dikolong e fela le morago ga bantsho go fetsa dikolo re ntse re bona bantsho ba ba tlhokang ebile ba sokola go bona tiro.Mararang a go tsena ko dikolong tse dikgolo.A ke yone puso e reneng re e batla e?

Gompieno jaana re bone kgololosego e kgale bagaka ba rona ba e lwanela dingwaga ngwaga , segolo jang ka nako ya tlhaolele bagaka ba rona e tota ba kgaratlile bangwe ba bone ba ragile kika ntse ba tswere marumo a ntwa go tshologa madi a rothela fatsheng le le tswereng toro tsa rona ka diatla tso pedi.Ka nako eo ba neng ba lwantsha tlhaolele go ne go le toro kgolo ya go bona puso e ntle e tlileng go ba busa ntle le mararang ape.

Ngwaga le ngwaga go ne go na le tshepo ya gore kamoso o tla tsoga a le botoka go feta gompieno , o ne o bona ba kgaratlie ba kgwetse mo di botong gore ke toro efe e ba ka lakatsang e fetoga nnete ba ne ba kgwetse ‘’ busang lefatshe la rona’’ , ‘’ re batla ditiro’’ , ‘’’re batla kgololosego’’ le tse dingwe. Se segolo e ne e le kgololosego e ba batlang go e bona e fela ka madimabe bagaka ba rona ka bontsi ka isitse marapo gobeng ba kwala matlho badimong ntle le go bona kgololosego.
Ka puso ya tlhaolele e ne e tletse tshotlakako mo bathong ba bantsho ba ne ba ratile seo se fele.Baeteledipele ba batho batsho le ba batho basweu ba bone go le botoka gore ba dule fatshe go buiwe gore gotswa go tlhaolele go ya go kgololosego tsela e tsamaiwe jang.Go nnile le dikgogano tse di dirileng Aforika Borwa e galefe go feta selekano e ne ya kgaoganya ka matlhokuri a le tharo.A batho ba ba batlang go bona kgololosego e le ya batho bantsho fela , a batho ba batlang tlhaolele e sa fela , le tlhakuri la batho ba batlang go bona kgololosego e le ya batho bantsho le batho basweu.

Ka dipuisano tsa tsela go ya kgololosegong go nnile le ditopo tse di tswileng dingwe tsa ditopo tse e nnile ditopo tse di dirileng tenego e nne ntsi mo nageng , se sene sa pateletsa gore tsatsi la ditlhopo lenne gaufi.Go diragetse fela jalo batho ba tlhopile puso e ne ba batla e ba golole mo kgolegelong e tlhaolele e ne e kwetse ka diketane tsa dikgoka.Go ne go le boitumelo go ketikiwa e fela go sa itsiwe gore kgololosego e etlile go nna dikgoka mo bathong ba ba tlhokang thuso.
Puso ya gompieno e lesotlho go batho ba ba tlhokang , rena le dingwaga tse dintsi re bone kgololosego e fela pharologano magareng ga bantsho le basweu e ntsi , basweu le gompieno khumo e ba aparetse yone khumo e ba e tshotseng ka dikgoka go bantsho ka bantsho ke batho ba ba nang le kagiso le lorato ba amogetse kgololosego e fela ntse e ba sotlha fela jaaka tlhaolele e ne e e ba sotlha.

Puso ya gompieno ntse e sotlha batho ba batlhokang fela , go bana ba bayang dikolong ka lonao fatshe , sekgele se se telele ba tlola dinoka , ga bana manno , ga bana dibuka tsa dirutwa , go bantsho ba ba tlhokang dijo , metsi le tse dingwe tsa botlhokwa.Puso ya rona ya gompieno ntse e sotlha bantsho fela jaaka puso ya tlhaolele e ne dira.Go dilo tse dintle tse puso e di diranag e fela tse di tlhabisang kgala tsone ke tse dintsi
mokwadi: kagiso sejamoholo



Comments