top of page
Search

MATHATA A THUTO E KGOLO

  • Writer: kagisosejamoholo
    kagisosejamoholo
  • Feb 2, 2022
  • 3 min read

Ngwaga le ngwaga baithuti ba ipelaetsa ba lwanela gore tshwanelo tsa bone di sekegelwe tsebe ,e fela go bonala ga dilelo tse e le dilelo tse puso le dikolo tse di kgolo di di itsing.Baithuti ga ba kgone go ikwadisa ka ntlha ya dikoloto tse puso e sa kgoneng go di phimola , baithuti ba bantsi ba falola dirutwa tsa bone e fela ka bomadimabe basari e kgona go sa duele, ka ba thuto e kgolo le bone ba ipeile ka madi ko pele ba feleletsa ba kwalela baithuti ko ntle.

Go ne go le ngwaga mongwe baithuti ba lwana naga ka bophara gore puso le dikolo tse dikgolo di dule fatshe di reetse.Ba eteledipele ba mogwanto yo o, ba ne ba ipitsa #Feesmustfall se sene dirilwe ke mararang a baithuti ba iphitlhelang mo go ona ga ba sa kgone go duela.Kana thuto ga e rekwa ka madi go raya gore ba ba senang madi ba tlile go tlogelwa ko morago. Ga o tsena ko di unibesiti o fitlhela baeteledipele ba baithuti (SRC) ba le mo tsebetsebeng e seng kana ka sepe , bangwe ba iphitlhela ba tsentse tlhako mo kgamelong ka gore baithuti ba lelela mo go bone ga unibesiti yone e sa tsenye dilelo tsa baithuti tsia.Ga kgang eya mafisa baithuti ba ja ka kgoka ya tenego unibesiti e ba biletsa mapodisa ,e be e ba isa ko kgotlhatshekelo ka madimabe bangwe ba baithuti ba feleletsa ba le ko kgolegelong.

Kana thuto ka kakaretso e beilwe matlho ke puso ke ka jalo ga gonna le kabelo ya madi ,puso e leyone e ntshang madi a rileng e a abela thuto e kgolo e fela puso ntse e itsi gore thuto e botlhokwa ga e abele thuto madi a lekaneng go bo feleletsa gonna le kgotlhang e ntshang lebadi la go gana go fola.

Thuto e kgolo e bitsa ka konopi ya makgoa e fokelang ko go dimo thata.Ke ka jalo o bonag ba ba humanegileng ba sa kgoneng go duelela thuto e kgolo.Seo ga se mararang a le mangwe fela kana o fitlhele ba dikobo dikhutshwane ba le mo pitlaganong e ntsi ya go bona ga ba ko gae ba robala ba nnile le sejo ba saye go robala ka tlala ,motlhakuring le lengwe ba tshwanetse ke go ithuta ba falole di papiri tsa bone. Barutabana ba rotloetsa barutwaana gore baye ko di unibesiti ba ithute ba tle ba kgone gonna batho ba ba tla tswelang naga mosola.E fela ba retelwa ke go bolelela barutwaana gore naga e tletse ka batho ba ba senang ditiro mararang e le gore ga ba kgone go tsena ka kgoro ya thuto e kgolo , ba lebala go bolelela barutwaana gore gona le tlhaolele e kgolo ko di unibesiti , ba lebala go ba bolelela gore le ga o ka falola o kgona gonna le sekoloto sa ngwaga yotlhe.

Thuto ke sejo re tshwanetse ra e epa ka dikgatlho tsotlhe tse renag le tsona.E fela re sa itlhokomolosa gore le ga tota o feditse thuto e kgolo mararang a mangwe a kgona gonna go sokola go bona tiro.Batho ba bantsho ba timilwe thuto nako e telele ka janong ba nyorilwe thata e fela go nwa metsi ga se go kgora.Jaaka ba lakatsa go bona thuto e kgolo ba itsi gore bana ba bone ba ka se kgone go kutula pampiri tsa dithuto tseo , ba akanye ka go aga khumo e ka kgontshang go ba tshidisa ka iketlo goya goile.Thuto e kgolo yone e na le mathata a mantsi e fela e diretse batho ba bantsi matshelo bonolo ga go ope yo kgatlhanong le thuto, re kgatlhanong le dikgwetlho tse puso e tlogelang di gola mo thutong e kgolo. Mokwadi: kagiso sejamoholo

 
 
 

Comments


Subscribe Form

Thanks for submitting!

0810 0144225

  • Facebook
  • Twitter
  • LinkedIn

©2022 by Wolmaransstad News Paper. Proudly created with Wix.com

bottom of page