KGWELE YA DINAO E TLHOKA TSWELELOPELE
- kagisosejamoholo
- Feb 16, 2022
- 2 min read
KGWELE YA DINAO E TLHOKA TSWELELOPELE
Mo motsesetoropong wa Tswelelang kgwele ya dinao e fetogile sejo segolo ,ka madimabe ke sejo se se jewang ka latshipi go feta matsatsi a otlhe.Se se diriwa ke gore gantsi ga go le metshameko go bo tshamekelwa konopi ya makgoa ,ntle le madi ke mararang go bona ditlhopa di tshameka.Selo sa go senya kgwele ya dinao.
Ga o lebile o bona batshamiki ba ba potlana ba ba nang le maoto a jesang matlho diwelang ba tshameka ka latshipi fela ,matsatsi a mangwe a ba ipolaisa nnotagi ka ntlha ya gore go be sepe se ba ka se dirang.O fitlhela ba sa ipolaisi nnotagi fela ba ipolaisi le diritibatsi ba ribatsa mebele go lebala mathata a ba kopanang le one tsatsi le letsatsi.
E tota le bone ba masapo a tileng ba, ke kgale ba tshameka kgwele ya dinao mo motseng wa rona.E ne e le batshamiki ba ba botlhokwa thata , le gompieno ga ba tshameka o bo o bona maitemogelo a seng kana ka sepe e fela ,santse ba gogoba mo motseng wa rona ka go tlhoka letlhogonolo la go tswelela ka kgwele ya dinao.
Ga o etela lebala la kgwele ya dinao ka nako ya motshameko o kopana le bokgoni bo bo ntsi e efela bo felela gona mo motseng wa rona ga gona tswelelopele.Le barati ba kgwele ya dinao ba kgweile moya fatshe ba itsi gore le kamoso ga batla mo lebaleng batlile go fitlhela difatlhego tse ba di boneng beke e fitileng.
Dingwaga tsone ga di dule ntlheng e le ngwe, le ga tota di ngwaga di tsamaya jaana o be o bona mo matlhong a batshameki gore bangwe ba bona ba santse bana le toro ya go ka tshamekela ditlhopa tse dikgolo , ga ba bangwe ba bona ba tshameka go ikentsha bodutu fela.
Morago ga marematlou batshamiki ba bantsi ba ipitlhela ba batla ditiro ,ga ba dira ba ba nna le nako e nnye go ka tshameka kgwele ya dinao.Ditiro tsa bone di be tlhoka kelotlhoko le nako ,ga ntsi e be le ditiro tse di tlhokang go dirisiwa matla a mantsi ka jaalo ba dula ba lapile ebile ba sa tlhole ba ikutlwa le go tshameka kgwele ya dinao.
O fitlhela le ntwa e tsoga fela ka bonako mogare ga motshameko, maikutlo a kukega ka bonako.Tenego e ntsi e e be diriwa ke go rata selo e fela ba sa kgone go tswelela ka selo se ba se ratang , ka jalo ba feleletsa ba lwantshana ka bo bone.Ba be ba lebala kana gore kgwele ya dinao ke motshameko o kopanyang batho e seng o kgaoganyang batho.
Kamoso ga letsatsi le ka tlhaba sentle re tla bona bontsi ba batshamiki ba kgwele ya dinao ba Tswelelang ba tlotlomadiwa mo senyalemoyeng ba be ba tlhagelela mo ditshwantsong tsa go lebelewa ke lefatshe.Seo ke toro e re solofelang gore e ka fetoga nnete.
Mokwadi: Kagiso sejamoholo
Comments